2 Corinthians 6

Bothata jo Paulo o kopanyeng najo

1Mme jaaka badiri le Modimo re lo kopa gore lo se phaile molaetsa o o hakgamatsang wa bopelonomi jo bogolo ja Modimo.

2Gonne Modimo wa re, “Selelo sa lona se tsile mo go nna ka nako e e tshwanetseng, fa dikgoro tsa kamogelo di ne di atlhame. Ke lo thusitse ka letsatsi le poloko e neng e abiwa ka lone.” Gone jaanong Modimo o ipaakanyeditse go lo amogela. Gompieno o ipaakanyeditse go lo boloka.

3Re leka go tshela ka tsela e e siameng gore ope a se ka a dira molato kgotsa a boela kwa morago mo go batleng Morena ka tsela e re dirang ka yone, gore ope a se ka a re bona molato a ba a o baya mo Moreneng. 4Mme tota, mo go sengwe le sengwe se re se dirang, re leka go supa gore re baruti ba boamaaruri ba Modimo. Ka bobelotelele re itshokela pogiso le mathata matshwenyego a mefuta yotlhe. 5Re iteilwe, ra tsenngwa mo dikgolegelong, ra lebagana le bo nko-di-aboga, ra dira thata, ra nna re lebeletse mo masigong re sa robale, ra ba ra ikitsa dijo.

6Re itshupile go nna se re se ipitsang ka matshelo otlhe a rona le ka go tlhaloganya Efangele le ka bobelotelele jwa rona. Re ntse re le tshiamo le boamaaruri jwa lorato le go tladiwa ka Mowa O O Boitshepo. 7Re ntse re le boammaaruri ka nonofo ya Modimo e re thusa mo go tsotlhe tse re di dirang. Ditlhabano tsotlhe tsa motho yo o boifang Modimo, ditlhabano tsa phemelo, le ditlhabano tsa go tlhasela, e ntse e le tsa rona. 8Re emetse Morena ka boammaaruri le fa bangwe ba re tlotla kgotsa ba re nyatsa, le fa ba re tshwaya diphoso kgotsa ba re baka. Re a ikanyega, mme ba re bitsa baaki. 9Lefatshe le a re itlhokomolosa, mme re itsiwe ke Modimo; re tshela gaufi le loso, mme ke rona ba, re santse re itekanetse. Re ne ra bolaesega mme ra bolokesega mo losong. 10Dipelo tsa rona di botlhoko, mme le fa gontse jalo re na le boitumelo jwa Morena. Re humanegile, mme re abela ba bangwe dimpho tse di kgolo tse di humileng tsa semowa. Ga re a itsholela sepe, mme le fa go ntse jalo re itumelela sengwe le sengwe.

11Oo, ditsala tsa me tsa Korintha! “Ke lo boleletse maikutlo ame otlhe; ke lo rata ka pelo yame yotlhe”. 12Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng. 13Ke bua le lona jaa-nong jaaka ekete lo bana ba e leng ba me. Re buleleng dipelo tsa lona! Re supegetseng lorato!

14Lo se tlhakane le ba ba sa rateng Morena, gonne batho ba Modimo ba ka tlhakanela eng le baleofi? Lesedi le ka nna jang le lefifi?

15Mme ke bokopano bofe jo bo ka nnang mo gare ga ga Keresete le Diabolo. Mokeresete o ka nna le botsalano jang le motho yo o sa dumeleng. 16Mme go ka nna le bokopano bofe fa gare ga Tempele ya Modimo le medimo ya disetwa? Gonne lo Tempele ya Modimo, legae la Modimo o o tshelang, mme Modimo o buile kaga lona jaana wa re, “Ke tlaa nna mo go bone, ke bo ke tsamaya mo go bone, mme ba tlaa nna batho bame le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.” 17Ke gone ka mo Morena o boileng a re, “Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela, 18Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.”
Copyright information for TsnLEF